Re buisana le Professor Mamokgethi Phakeng mme re totile thuto le botlhokwa jwa yone mo nageng ya rona ya Aforika Borwa. Mamokgethi o dira dipatlisiso ka thuto mo nageng ya rona mmogo le kwa dinageng tse dingwe. Re tlile go leba gore thuto e ka re thusa jang mo nageng ya rona gore re kgone go nna karolo ya lefatshe ka go iponela ditshono kwa dinageng tse dingwe. Thuto ya mo nageng ya rona ke e e naleng boleng, mme e re tlhoka kitso ka mekgwa e re kae dirisang gore re iponele ditshono tsa ditiro tsa maemo a kwa godimo mmogo le maemo a re batlang go iponela one ka kakaretso.