Re buisana le Dr Olaotse John Kole yo eleng Senior Lecturer ya Criminology and Security Science mo School of Criminal Justice kwa University of South Africa. Mo nakong e e fetileng re ne ra bua le Dr Kole re totile tirisanommogo ya sepodisi sa Aforika Borwa mmogo le ditheo tsa tshireletso tsa poraefete go lwantsha bosinyi. Go simolola mo tshimologong ya ngwanga wa 2017 maemo a fetogile mo ntlheng ya go lwantsha bosinyi mmogo le mathata a re itemogelang one a dipolao tsa bana le basadi, go akaratsa le dikoloi tse di utsiwang ka bontsi. Dipolao tsa bana le basadi ke sengwe se re itemogelang sone mo nakong eno mme ekete re retelelwa ke gonna le mekgwa e re ka tsibogang ka yone go kgala ditiragalo tseno. Tsholofelo ya rona emo sepodising ebile re solofela go bona thuso ka ponyo ya leitlho fa go nale mathata. Ga jaana go ntse go nale mathata magareng ga Sepodisi sa Aforika Borwa mmogo le Independent Police Investigative Directorate/IPID ka ntlha ya go tlhoka manane a a tlhamaletseng mabapi le tsamaiso ya dipatlisiso tse di dirwang kgatlhanong le sepodisi. Gopola gore IPID ke yone go ya ka molao e e tlhokomelang tsamaiso e e lolameng ya Sepodisi, mmogo le go dira dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi a a tlolang molao kgotsa go nale tiragalo nngwe e e amang tsamaiso e e sokameng ya se podisi. Gopola gore fa naga ya rona e ka nna le bosinyi jo bo thibang letsatsi, seno se tshosetsa tshireletsego ya mongwe le mongwe mo nageng, ikonomi mmogo le tsamaiso ka kakaretso mo nageng. A gone re nale tharabololo ya mathata a re nang le one gore isago ya naga ya rona e seke ya nna mo kotsing.