Kopa DilaleloKopa Dilalelo

Melao e amang lenyalo la setso le la sekgowa mo Afrika Borwa

View descriptionShare
Re buisana le Rre John Nkomo yo eleng Mmueledi mabapi le mefuta ya manyalo mmogo le melao ya mofuta wa lenyalo mo nageng ya rona ya Aforika Borwa. Mo dibekeng dile pedi tse di fetileng re ile ra amogela pegelo ya gore MaAforika Borwa a tsena mo tlhalong ka bontsi go gaisa go tsena mo nyalong. Mme mabaka a a farologaneng a ile a umakiwa go tlhagise dingwe tsa dilo tse di tlhotlholetsang koketsego ya tlhalo mo nageng ya rona. Ka ngwaga wa 2014 re itemogetse palo e kana ka 24 700 ya tlhalo, e e supang koketsego ya dipresente dile 3.4% go tloga ka 2013. Batho bantsho bone ba ba tsenang mo tlhalong palo ya bone ke dipresente dile 37.1%. Mabaka a tshwana le tshotlo, go ikutswa le balekane ba bangwe mmogo le mathata a tsa ditshelete ke mabaka a a tlhagisitsweng. Mme le fa gole jalo go nale ntlha ele nosi fela eo eketeng e kgontsha baitsanape le borramolao go tlhaloganya sentle mathata a re naleng one mo nageng ya rona. Go tlhagelela gore MaAforika Borwa a mangwe a tsena mo lenyalong ba sa tlhaloganye mofuta wa lenyalo leo ba tsenang mo go lone. Go nyala ka setso go farologane le fa o nyalwa ka lesira, mme ekete re tshwanela ke go tlhaloganya pharologanyo ya dilo tseno tsoo pedi.
  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 1 playlist(s)

  1. Kopa Dilalelo

    317 clip(s)

Kopa Dilalelo

KOPA DILALELO is consciously built to define credible context and engage different perspectives. The 
Social links
Recent clips
Browse 317 clip(s)