Re buisana ka tlhokomelo ya mosimane mo nageng ya rona ya Aforika Borwa le moeng wa rona Rre Pule Goqo yo eleng Moruti, ebile o dirisana thata le ditheo mmogo le mekgatlho e e totileng go tlhabolola botshelo jwa basimane mmogo le banna mo nageng ya rona ya Aforika Borwa. Lelapa lengwe le lengwe le tshwanela ke go tlhokomela bana ka go lekana go kgaotsa tlhakatlhakano mmogole go nnetefatsa gore ba golela mo legaeng le le naleng lerato. Go nale matsholo mmogo le dikgato tse di tsewang ke puso mmog le maphata a private go nnetefatsa fa basetsana ba fitlhela tshegetso ka kakaretso go tokafatsa botshelo jwa bone. Go nale matsholo a “take a girl child to work”, “Keeping a girl child in school”mmogo le “protecting our girls against sugar daddies”. Basestsana ba lebane le dikgwetlho dile dintsi mme gantsi tlhokomelo e mo go bone thata go gaisa basimane. Basimane ba nale dikgwetlho dile dintsi tse di akaretsang tiriso ya diritibatsi mmogo le bosinyi. Goreng go bonala ekete basimane ga ba botlhokwa jaaka basetsana. Mo nakong e re tshelang mo go yone re tlhoka go tlhabololo ka mokgwa o re dirang dilo ka gone gore re kgone go aga naga e e leng botoka. Basetsana mmogo le basimane ba tshwanela ke go bona ditshono tse di tshwanwang go ya le ka childrens Act. Chilrens Act e tlhamaletse mo tshireletsegong ya bana mmogo le ntlha ya go tshela mo lefelong le le ba siametseng go akaretsa le tlhokomelo e e leng maleba. Jaanong re tshwanela ke go tota ntlha ya tekatekanya magareng ga basimane