Kopa DilaleloKopa Dilalelo

Go nwela ga SS Mendi le Chris Rabaji o eleng Mmega dikgang wa tsa mawatle le mo

View descriptionShare
Re buisana le Rre Chris Rabaji yo eleng mmega dikgang wa tsa mawatle le moruo wa dikepe. Puisano ya rona e mabapi le go gopola tiragalo ya go nwela ga sekepe sa SS Mendi ka di 21 kgwedi ya Tlhakole mo ngwageng wa 1917, fa masole ale 616 a ne ba latlhegelwa ke botshelo jwa bone. A le 607 ene ele masole a bantsho ba ba neng ba ineetse go tsaya karolo mo ntwenng ya ntlha ya Lefatshe, mme palo gotlhe ya batho ba ba neng ba le mo sekepeng sa SS Mendi ene e feta 800. Seno se diragetse morago ga gore Sekepe sa SS mendi se thulane le sa SS Darro. Sekepe sa SS Darro se ne se le mo lebelong le le boitshegang ka nako eo mme ga sa nwela ka ntlha eo. Mo letsatsing la labobedi re ne re gopola dingwaga dile 100 morago ga tiragalo eno ebile re bone Mopresidente a etetsepele ditiragalo tsa letsatsi leo go gopola karolo ya bao ba ba latlhegetsweng ke botshelo ka ngwaga wa 1917. Letsatsi la di 21 Tlhakole le itsege semmuso jaaka Armed Forces Day go gopola tiro e botlhokwa ya sesole sa Aforika Borwa mmogo le go tlotla tiro ya bone. Jan Rabaji o ne a le karolo ya bao ba neng ba le mo sekepeng sa Mendi ka nako eo se neng se nwela, mme ke nnakagwe ntatemogolo wa Rre Chris Rabaji.
  • Facebook
  • X (Twitter)
  • WhatsApp
  • Email
  • Download

In 1 playlist(s)

Kopa Dilalelo

KOPA DILALELO is consciously built to define credible context and engage different perspectives. The 
Social links
Recent clips
Browse 317 clip(s)